Skip to main content

Full text of "Kgoeletso Ya Maipolelo A Odit·Habat·Aba A Dithswanelo Tsa Botho Pulamadibogo"

See other formats


KGOELETSO YA MAIPOLELO A ODIT-HABAT-ABA A 
DITSHWANELO TSA BOTHO 

PULAMADIBOGO 

Go ntse jalo gore kamogelo ya tlhago ya seriti le tekatekano le ditshwanelo tse di 

sa amologanngweng tsa ditokololo tsotlhe tsa losika Iwa motho ke motheo wa 

kgololosego, bosiamisi le kagiso mo lefatseng. 

Go ntse jalo gore go itlhokomolosa le go nyatsa ditshwanelo tsa botho go tlhotse 

ditiragalo tsa bolalome tse di ssakgaditseng maikutlo a batho mo tshimologong 

ya lefatshe le mo go lona batho ba itumelelang kgololosego ya go bua le tumedi, 

le kgololosego mo go boifeng le go eletseng, di goeleditswe jaaka dikeletso tse di 

kwa godimo tsa batho botlhe. 

Go ntse jalo gore go botlhokwa, fa motho a sa patelesege go tsaya tsela esele, 

jaaka ona mokgwa wa bofelo, go ema kgatlhanong le bagagapa le kgatelelo, 

gore ditshwanelo tsa botho di sirelediwe ke puso ya molao. 

Go ntse jalo gore go botlhokwa go tsweletsa kgolo ya dikgalologano tsa 

botsalano fa gare ga ditshaba. 

Go ntse jalo gore Ditshaba Kopano ka Lokwalo lo, ba tiiseditse tumelo ya bona 

mo motheong wa ditshwanelo tsa botho, mo seriting le botlhokwa jwa botho jwa 

motho le mo tekatekanong ya ditshwanelo tsa banna le basadi, mme ba 

ikemiseditse go tsweletsa kgatelopele mo matshelong a batho le maemo a a 

botoka a botshelo mo kgololosegong e e anameng. 

Go ntse jalo gore Dinaga tse e leng Ditokololo di ineetse ka tirisanommogo le 

Ditshaba Kopano go fitlhelela tsweletso ya tlotlo le tshegetso ya 

boditshabatshaba ya ditshwanelo tsa botho le metheo ya dikgololosego. 

Go ntse jalo gore go a tlhaloganyesega gore ditshwanelo le dikgololosego tse, di 

botlhokwa thata mo tiragatsong ya bojotlhe ya maineelo a. 

JAANONG KA JALO, 

Kokoano Kakaretso 



E goeletsa Maipolelo a, a Boditshabatshaba a Ditshwanelo tsa Botho jaaka 
selekanyo sa phitlhelelo sa gale mo bathong botlhe le mo ditshabeng tsotlhe, go 
fitlhelela fa motho mongwe le mongwe le sethwe sengwe le sengwe sa loago, ka 
go tsaya Maipolelo a tsia, di tla kgaratlhelang ka go ruta le kgodiso go tsweletsa 
tlotlo ya ditshwanelo le dikgololosego tse, le ka dikgato dingwe tsa tswelelopelo 
mo setshabeng le ditshabatshabeng, go boloka kamogelo le tshegetso ya 
boditshabatshaba le tiragatso ya tsona, mo sebeding sa batho ba e leng Maloko 
a Dinaga ka boona le mo bathong ba dikgaolo tse di welang mo taolong ya bona. 

Aretikele 1 

Batho botlhe ba tsetswe ba gololosegile le go lekalekana ka seriti le ditshwanelo. 
Ba abetswe go akanya le maikutlo, mme ba tshwanetse go direlana ka mowa wa 
bokaulengwe. 

Aretikele 2 

Mongwe le mongwe o na le tetla mo ditshwanelong le mo dikgololosegong 
tsotlhe tse di tlhagisitsweng mo Maipolelong a, kwa ntle ga pharologanyo epe, 
jaaka ya semorafe, mmala, bong, puo, tumelo, sepolotiki kgotsa, kakanyo esele, 
boagi kgotsa tlhago ya lotso, thoto, botsalo, kgotsa boemo bongwe. 
Gape, ga go pharologanyo epe e e tla dirwang ka ntlha ya boemo ba sepolitiki, 
ba bolaodi kgotsa ba boditshabatshaba ba naga kgotsa kgaolo e motho a tswang 
kwa go yona, go sa kgathalesege gore a e ikemetse, e abilwe, ga e ipuse kgotsa 
e mo tekanyetsong nngwe ya boipuso. 

Aretikele 3 

Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya botshelo, boithatelo le tshireletsego ya 
botho. 

Aretikele 4 



Ga go ope yo o tla tshwarwang mo bokgobeng kgotsa botlhankeng; bokgoba le 
kgwebo ka makgoba di tla ilediwa mo mekgweng yotlhe ya tsona. 

Aretikele 5 

Ga go ope yo o tla bogisiwang kgotsa go sotlwa ka mokgwa o e seng wa setho 
kgotsa go tsholwa kgotsa go otlhaiwa ka mokgwa o o nyenyefatsang. 

Aretikele 6 

Mongwe le mongwe o na le tshwanelo go amogelwa gongwe le gongwe jaaka 
motho fa pele ga molao. 

Aretikele 7 

Botlhe ba a lekana fa pele ga molao mme ba na le tetla kwa ntle ga tlhotlhololo 
go tshireletsego e e lekanang ya molao. Botlhe ba na le tetla e e lekanang ya 
tshireletsego kgatlhanong le tlhotlhololo nngwe le nngwe e e leng kgatlhanong le 
Maipolelo a, le kgatlhanong le thotloetso ya tlhotlhololo yo mothale o o ntseng 
jalo. 

Aretikele 8 

Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya tshiamelo e e tletseng ya 
kgotlakatlholo ya bosetshaba e e nang le bokgoni ka ntlha ya ditiro tse di 
kgatlhanong le ditshwanelo tsa motheo tse a di neilweng ke moloatheo kgotsa ke 
molao. 

Aretikele 9 

Ga go ope yo o ka tshwarwang, a tlhatlhelwa kgotsa a kobiwa ntle le lebaka le le 
utlwalang. 

Aretikele 10 



Mongwe le mongwe o na le tekatekano e e tletseng ya tsheko e e siameng ya 
botlhe e e tsamaisiwang ke kgotlakatlholo e e ikemetseng le e e sa tlhotlhololeng 
mo go thlotlhomiseng ga ditshwanelo le ditlamego tsa gagwe kgotsa kotlhao 
nngwe le nngwe ya bosenyi kgatlhanong nae. 

Aretikele 1 1 

1 . Mongwe le mongwe yo o bonwang molato wa tlolamolao o na le 
tshwanelo ya go tsewa a se molato go fitlhelela a bonwa molato go ya ka 
fa molaong mo kgotlatshekelong ya botlhe e mo go yona a ntseng le 
ditsholofetso tse di maleba le go itshireletsa ga gagwe. 

2. Ga go na ope yo o tla bonwang molato wa tlolomolao nngwe le nngwe ka 
ntlha ya tiro nngwe kgotsa tlogelo nngwe e e neng e se tlolomolao, mo 
molaong wa bosetshaba kgotsa wa boditshabatshaba, ka nako e e neng e 
dirwa. Le gona kotlhao e e bokete ga e ne e dirwa, go na le e e maleba e 
e neng e ka dirwa ka nako e tlolomolao e neng e dirwa. 

Aretikele 12 

Ga go na ope yo go tla sunngwang nko ntle le molao mo sephiring, lelapeng, 
ntlong kgotsa makwalo a gagwe kgotsa tlhaselo yo tlotlo le serodumo sa gagwe. 
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya tshireletso ya molao kgatlhanong le 
tsunyonko le ditlhaselo tsa mothale o ntseng jalo. 

Aretikele 13 

1 . Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya motsamao le 
bonno me melelwaneng yo naga nngwe le nngwe. 

2. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tswa mo nageng nngwe le 
nngwe, go akaretsa le ya gaabo, le go boela kwa nageng ya gaabo. 

Aretikele 14 



1 . Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go batla le go itumelela botshabi 
ba go sekisiwa kwa dinageng tse dingwe. 

2. Tshwanelo e, ga e ne e diragadiwa mo mabakeng a ditshekiso tse di leng 
le melato e e seng ya sepolitiki kgotsa go tswa mo ditirong tse di leng 
kgatlhanong le maikaelelo le meono ya Ditshaba Kopano. 

Aretikele 15 

1 . Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya boagi 

2. Ga go ope yo o tla iletswang ntle le lebaka boagi jwa gagwe kgotsa go 
iletswa tshwanelo ya go fetola boagi jwa gagwe. 

Aretikele 16 

1 . Banna le basadi ba dingwaga tse di lekanang, kwa ntle le tekanyetso epe 
e e mabapi le bomorafe, boagi kgotsa tumelo ba na le tetla ya go nyala le 
go aga lelapa. Ba na le tetla ya ditshwanelo tse di lekanang mabapi le tsa 
lenyalo, mo lenyalong le mo phatlalalong ya lona. 

2. Go tla tsenwa fela mo nyalanong ka tetla e e gololosegileng le e e tletseng 
ya bobedi jo bo ikaelelang go nyalana. 

3. Lelapa ke bongwefela jwa setlhopha jwa tlhago le motheo wa loago mme 
le na le tetla ya tshireletso ya baagi le Puso. 

Aretikele 17 

1 . Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le thoto a le nosi kgotsa 
a e tlhakanetse le ba bangwe. 

2. Ga go ope yo o tla tseelwang thoto ntle le lebaka. 

Aretikele 18 

Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya kakanyo, maikutlo le 
bodumedi, tshwanelo e, e akaretsa kgololosego ya go fetola bodumedi kgotsa 



tumelo ya gagwe, le kgololosego, ya fa a le nosi kgotsa mo kgobokanong le ba 
bangwe le mo phatlalatseng kgotsa mo sephiring, go tsweletsa bodumedi kgotsa 
tumelo ya gagwe ka thuto, tiragatso, kobamelo le tshegetso. 

Aretikele 19 

Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya mogopolo le tlhagiso- 
maikutlo. Tshwanelo e, e akaretsa kgololosego ya go nna le mogopolo ntle le 
tshunyonko, le go batla, go amogela le go fetisa tshedimosetso le dikakanyo ka 
bophasalatsi bongwe le bongwe, go sa kgathalelwe melelwane. 

Aretikele 20 

1 . Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya kokoano ya 
kagiso le kgolagano. 

2. Ga go ope yo o ka patelediwang go nna leloko la mokgatlho. 

Aretikele 21 

1 . Mongwe le mongwe o na le tswhanelo ya go nna le seabe mo mmusong 
wa naga ya gaabo, ka tlhamalalo kgotsa ka baemedi ba ba 
itlhophetsweng ka kgololosego. 

2. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya phitlhelelo e e lekalekanang go 
ditirelo tsa puso mo nageng ya gaabo. 

3. Thato ya batho ke ona motheo wa bothati jwa puso; se, se tla tlhagisiwa 
ka ditlhopho tsa nako le nako tsa boammaaruri, tse di tla bong e le tsa 
boditshabatshaba mme di tla tshwarwa ka boutu ya sephiri kgotsa ka 
dithulaganyo dingwe tse di lekalekanang le tse di gololosegileng tsa go 
bouta. 

Aretikele 22 



Mongwe le mongwe jaaka tokololo ya baagi, o na le tshwanelo ya tshireletso ya 
baagi mme o na le tetla ya temogo ka maiteko a bosetshaba le tirisanommogo ya 
boditshabatshaba le go ya ka thulaganyo le metswedi ya Naga nngwe le nngwe, 
ya ditshwanelo tse di sa amologanngweng tsa ekonomi, boagi le setso mo 
seriting sa gagwe le kgolo e e gololosegileng ya botho jwa gagwe. 

Aretikele 23 

1 . Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go dira, mo go itlhopheleng go 
go gololosegileng ga bothapi, gmaemo a a botoka le a bosiami a tiro le go 
sirelediwa kgatlhanong le botlhokatiro. 

2. Mongwe le mongwe, ntle le tlhotlhololo epe, o na le tshwanelo ya tuelo e e 
lekalekanang le tiro. 

3. Mongwe le mongwe yo o dirang o na le tshwanelo ya moputso siameng le 
o o tshwanetseng, o o mo netefaletsang mmogo le ba lelapa la gagwe 
botshelo jo bo tshwaneleng seriti sa botho, le go okediwa, fa go tlhokega, 
ka mekgwa ya tshireletso ya baagi. 

4. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo go bopa le go nna leloko la 
mokgatlho wa badiri go sireletsa dikgatlhego tsa gagwe. 

Aretikele 24 

Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go ikhutsa le go phuthologa, go 
akarediwa diura tse di lekanyeditsweng tsa go dira le malatsi a a duelelwang a 
khunologo mo motlheng mongwe. 

Aretikele 25 

1 . Mongwe le mongwe o na le tshwanelo go maemo a botshelo a a lekaneng 
pholo le boitekanelo jwa gagwe le ba lelapa la gagwe, go akarediwa dijo, 
diaparo, ntlo le tlamelo ya melemo le ditirelo tsa baagi tse di botlhokwa, le 
tshwanelo ya tshireletsego mo lebakeng la go sa thapiwe, bolwetse, 



kgolafalo, botlhologadi, botsofe kgotsa go tlhoka go itsetsepela mo 
mabakeng a a seng mo taolong ya gagwe. 
2. Bosadi le bongwana bo na le tetla ya tlhokomelo e e kgethegileng le 
thuso. Bana botlhe, ba tsetswe mo lenyalong kgotsa kwa ntle ga lenyalo, 
ba tla itumelela tshireletso ya loago e e tshwanang. 

Aretikele 26 

1 . Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya thuto. Thuto e tla nna e e sa 
duelelweng, bonnye mo dikgatong tsa tshimologo le tsa motheo. Thuto ya 
Tshimologo e tla nna ya pataletso. Thuto ya Thekenikale le ya 
phorofesene e tla tlamelwa ka kakaretso, mme thuto e e kwa godimo e tla 
tlamelwa ka go lekalekana go botlhe go ya ka tlhokego. 

2. Thuto e tla lebisiwa mo kgodisong e e tletseng ya botho jwa motho, le mo 
go tiiseng tlotlo ya ditshwanelo tsa botho le metheo ya dikgololosego. E tla 
tsweletsa go tlhaloganya, go itshokelana le botsalano mo ditshabeng 
tsotlhe, ditlhopa tsa semorafe kgotsa tsa bodumedi, mme e tla tsweletsa 
ditiro tsa Ditshaba Kopano tsa go tshegetsa kagiso. 

3. Batsadi ba na le tshwanelo ya pele ya go tlhopa mofuta wa thuto o o tla 
newang bana ba bone. 

Aretikele 27 

1 . Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le seabe ka kgololosego 
mmo botshelong jwa setso jwa baagi, go itumelela botaki le go refosanya 
tswelelo ya bonetetsi le maungo a bona. 

2. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya tshireletso ya dikgatlhego tsa 
botho le dithoto go tswa dikungweng tsa bonetetsi, bokwadi kgotsa botaki 
tse e leng mokwadi wa tsona. 

Aretikele 28 



Mongwe le mongwe o na le tetla go tolamo ya loago le ya boditshabatshaba e 
mo go yona ditshwanelo le dikgololosego tse di tlhagisitweng mo Maipulelong a 
di ka diragadiwang ka batlalo. 

Aretikele 29 

1 . Mongwe le mogwe o na le ditiro mo baaging tse ena ka nosi a nang le 
bokgoni jo bo tletseng jwa kgolo ya botho jwa gagwe. 

2. Mo go diragatseng ditshwanelo le dikgololosego tsa gagwe, mongwe le 
mongwe o tla laolwa fela ke ditekanyetso jaaka go tlhomamisiwa ke molao 
mo mabakeng fela a go sireletsa kamogelo le tlotlo ya ditshwanelo le 
dikgololosego tsa ba bangwe le tsa go fitlhelela ditlhokego tse di siameng 
tsa botho, tolamo go botlhe le boitekanelo ka kakaretso mo loagong Iwa 
temokerasi. 

3. Ditshwanelo le dikgololosego tse ga di ne di diragatswa ka mokgwa o sele 
kgatlhanong le maikaelelo le meono ya Ditshaba Kopano. 

Aretikele 30 

Ga go sepe mo Maipolelong a, se se tshwanetseng go ranolwa jaaka se se 
kaeleng Naga nngwe le nngwe, setlhopa kgotsa motho tshwanelo nngwe go nna 
mo tiragatsong ya tiro nngwe kgotsa go dira tiro nngwe e maikaelelo a yona e 
leng go senya nngwe ya ditshwanelo le dikgololosego tse di tlhagisitsweng mo.